Menu
Cart 0
Via Afrika Setswana Home Language Grade 12 Learner's Book (Printed book.)

Via Afrika Setswana Home Language Grade 12 Learner's Book (Printed book.)

  • R 259.90
  • Save R 100


Mophato wa 12 ke mophato o o botlhokwa thata ka mabaka a mantsi, seno se tlhotlhelediwa ke ntlha ya gore e se kgale o tlaa be o dira kgotsa o tsenela dithuto tsa Yunibesithi. Go itse puo ya gaeno ya gae go tlaa tswelela go go thusa mo sengwe le sengweng se o se dirang. O tlaa kgona go tlhaloganya ka botlalo le go nna le seabe mo dipuisanong. O tlaa kgona go amogana dikakanyo le megopolo ya gago ka phuthologo. O tlaa kgona go golagana le go itirela ditšhono ka bowena, le go imatlafatsa mo lephateng la mebaraka ya ditiro. Go botlhokwa gape go gopola gore karolo e kgolo ya se se dirang gore Aforika Borwa e nne naga e e kgethegile e bile e itlhophile, ke gore e na le dipuo le ditso tse di farologaneng – e leng se se botlhokwa go tlhalosa se re leng sone jaaka naga. Bokgoni jwa go itlhalosa bo go dira go nna moambasedara wa puo le setso sa gago, mme lokwalo lo lo phuthetse sengwe le sengwe se o se tlhokang go tokafatsa bokgoni jwa gago mo maphateng otlhe. Lefatshe le le legolo thata. Dira gore lentswe la gago le utlwale.

We Also Recommend