Via Afrika Setswana Home Language Grade 11 Learner's Book (Printed book.)
Fa o ntse o tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go buisana, o tla kgona go atlega mo botshelong. Mo thutong le mo lefatsheng le tiro go botlhokwa gore o itse puo sentle. Lenaane leno la puo le tla dira gore o kgone go reetsa, go bona botlhokwa jwa dilo le go tsibogela sentle. O tla ithuta popego le tiriso ya puo, le go bala dikanelo tse di leng teng le maboko. Gape o tla tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go dira dipontsho, se se tla go thusang kwa sekolong le mo lefatsheng ka bophara. Fa o ka dira ka natla, o tla nna sebui se segolo. Fa o na le bokgoni joo, ga go na se o ka se kgoneng go se dira.
We Also Recommend