Winner - Maskew Miller Longman 2011 Literature Awards. Ke a go utlwa, fela mong wa tiro e ke mang?' a ke mafoko a rraagwe mosetsana fa a lemoga tiragalo e e diragetseng. Nyasha o tlogile gae a tsewa ke tsala ya gagwe eo e neng e mo bonetse tiro kwa Harare. Harare e ne ya mo bula matlho, a iponela lekgarebe. Aitse motho ga a itsewe e se naga. Mosimane o rile go iphitlhela a le esi, lekgarebe le ile go itsese kwa gaabolona fa le robegile leoto, a rotola matlho le go kgatlhwa ke di kara tsa basetsana ba fa Harare. Mosetsana go lemoga seo lekau le setseng le se dira fa le ne le se teng, o iphutha le malawana go leba Aforika Borwa. Gonne tau fa e iphutha le malawana ke mafaratlhatlha, mosetsana o iphitlhela a latlhegetswe ke mawelane a gagwe. Go tlhoka go golela mo lelapeng le le lengwe go tlhola tlhakantswike mme ditiragalo tsotlhe tse di totobatsa potso e le nngwe fela, `Ke molato wa ga mang?' Padi e, e e rokotsang e, ke ya ga S.S Mokua yo e leng ene mofenyi wa Literature Awards mo ngwageng wa 2010