
Via Afrika Setswana Home Language Grade 8 Novel: Dinwamadi (Printed book.)
Pogiso o ikaelela go tshela ka boferefere fela mo botshelong jwa gagwe jotlhe. A gopola gore go dira jaaka batho ba bangwe ke go itshenyetsa nako fela. O ipona ena a na le mekgwa e e bofefo, e e bonako ya go itshedisa le go ikhumisa. Ka jalo a ikanya go tshela ka bogodu le boferefere. Fa batho ba bangwe ba saila le mebila ba senka ditiro, ene o ne a tsamaya a batla kwa a ka thubang teng kgotsa motho yo a ka mo dirisang go bona ledi ka bofefo. A lebetse gore boferefere ga se papadi. A itebaditse puo ya Motswana e e reng phukwi o rile ke lobelo, marota a re ke namile. A ikgatholositse kitso ya gore seatla sa molao se seleele. Ba bantsi ba ba tshwanang le ena gompieno. Gongwe sekao sa gagwe se ka dira gore bangwe ba kgonye, mme ba ikakanye sentle, ba fetole mekgwa ya bone.
We Also Recommend