
Via Afrika Setswana Home Language Grade 7 Novel: Motlhopha-ntsi ke yo o kgorang
Moeng o ne a bodiwa matsogo le kwa a neng a tswa teng, ga bonwa gore go ne go sa tshwanelwa gore a ka bodiwa dikgang tsa lefatshe lotlhe a ise a bone sepe sa go ja. Kana ga twe ‘tsie e fofa ka moswang’. O ne a kgelwa go tswa mo setlaaganeng se go neng go le nkgo ya madila mme a neelwa go ja. Moeng o ne a kopiwa a be a kopiwa go ja dijo mme ga bonagala gore go ne go le sengwe mo dijong tsa gagwe se se neng se mo iletsa go ja. E rile gore moeng a bodiwe gore e ne e le eng se se neng se mo iletsa go ja, a araba ka go re madila a ne a tletse dilabe tse e leng tsona o neng a ntse a di kgotla ka lotlhokwa go di tlhopha mo go ona. Ruri monna yono o ne a sa tshwarwa ke tlala o ne a kgotse jaaka Motswana a bua a re ‘Motlhopha-ntsi ke yo o kgorang’.
We Also Recommend