{"product_id":"ngwana-sejo-o-a-tlhakanelwa-grade-4-7-tswana-paperback","title":"Ngwana sejo o a tlhakanelwa: Grade 4 - 7 (Tswana, Paperback)","description":"\u003cdiv id=\"productContent\" data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003ctable data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003ctbody data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003ctr data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003ctd colspan=\"3\" data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003cdiv id=\"tabs\" data-mce-fragment=\"1\"\u003e\n\u003cdiv class=\"tab-body\" id=\"tab-1\" data-mce-fragment=\"1\"\u003eWinner - Maskew Miller Longman 2015 Literature Awards. Buka eno e ka ga dikgwetlho tse bana ba tobanang le tsone. E bontsha tshegetso e motho yo a tobaneng le dikgwetlho tseno a ka e bonang go tswa mo batsading, ditsaleng le maloko a mangwe a setshaba. Tshidiso o tsoga a suma jaaka lebolobolo mme ga go ope yo a itseng gore matsapa di a tsaya kae. Mosadimogolo Tsetsana le morutabana Tabane mmogo le ditsala tsa ga Tshidiso ba swetsa go bona tharabololo ya matsapa a ga Tshidiso. Go na le ditiragalo di le dintsi tse di lobebe ebile di rokotsa mathe tse di lebisang kwa tshegetsong eo Tshidiso a e bonang gotswa kwa matlhakoreng a a farologaneng mme kwa bokhutlhong, Ngwana sejo o a tlhakanelwa ... Thatayaone Raymond Dire o belegetswe kwa Setlopo mo Mahikeng. Ke ngwana a le mongwe mo lelapeng la ga Dire. O tsene sekolo kwa Bakang Selebo Primary School, a tsweletsa dithuto tse dikgolwane kwa Setlopo Science and Commercial Secondary School, koo a weditseng lokwalo lwa gagwe lwa materiki. O na le lekwalo la Community Arts Administration and Management. Ga jaana o ithutela lokwalo lwa B.A in Indigenous Knowledge Systems mo Yunibesithing ya Bokone Bophirima. Ka ngwaga wa 2010 o ne a ithutela terama mo Mmabana. Thatayaone o nnile le seabe mo dikgatisong tse di latelang: Losaka la poko (Poko).; Via Afrika Grade 8 Setswana Puo ya Gae (Buka ya puiso).; Platinum Le Re Letlhabetse Grade 9 (Buka ya puiso).; Tswina ya Setswana (Ditlhamane).; Reetsa fa! (Dikgankhutswe).\u003c\/div\u003e\n\u003c\/div\u003e\n\u003c\/td\u003e\n\u003c\/tr\u003e\n\u003c\/tbody\u003e\n\u003c\/table\u003e\n\u003c\/div\u003e","brand":"Pearson Publisher","offers":[{"title":"Default Title","offer_id":39384154865762,"sku":"9780636200524","price":101.0,"currency_code":"ZAR","in_stock":true}],"thumbnail_url":"\/\/cdn.shopify.com\/s\/files\/1\/1279\/5591\/products\/ngwa.jpg?v=1627910908","url":"https:\/\/elexacademicbookstore.co.za\/products\/ngwana-sejo-o-a-tlhakanelwa-grade-4-7-tswana-paperback","provider":"Elex Academic Bookstore","version":"1.0","type":"link"}